Tirisano e sa laolweng ke gore mang o nna kae e botlhokwa mo tshireletsong ya ditshwanelo tsa setho tse mosola mme di tlhakatlhakanye

Nnete ke gore, ga gona ope yo o itumelelang “ditshwanelo tsa setho tsa mafatshefatshe.” Mo matshelong a rona ka bongwe ka bongwe, ditshwanelo di fa o leng teng e bile ke tsa motho a le esi.




Ditshwanelo tsa Setho di iphitlhela dilo mo seeming se se tsietsang. Mo letlhakoreng le lengwe, se eleng mangmang, ke gore ditshwanelo tsa setho ke dilo tse di gololang tse maikaelelo a tsone eleng go itepatepanya le maatla a puso, go lemoga ka setho se tshwanang ka teng lefatshe ka bophara, le go sireletsa ditshwanelo tsa bao ba eleng gore ba ka nna ba seke ba boelwe ke sepe mo maatleng a a dikaganyeditsweng ka tshireletso, khumo le tlhotlheletso. Go ya ka molwela ditshwanelo go tswa Aforika Borwa yo o tsereng karolo mo patlisisong yame, ditshwanelo dika dirisiwa jaaka “selekalekanyi”go thusa ba ba “senang dithata” go “dira ditopo mo sechabeng tse eleng batho ba ba nang le dithata le dikhumo tse dintsi ga ba di dire.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, mananeo a re a dirisang go rulaganya le go diragatsa ditshwanelo tsa setho a tsentswe mo ditsamaisong tsa puso tsa semolao e bile ka dinako tse dingwe a a kgalwa gotwe a itebagantse fela le ngwao, le go supa dikai tsa lefatshe le le senang tekatekano le re tshelelang mo go lone.

Go sa nna le lefelo la boremelelo le gone go nale dikgwetlho tsa gone. Go nna moemanosi le go nna motho wa lepe lefatshe ke selo se se gololang e bile sesiame, se re dira gore re lemoge setho sa rona le go kgaphela go kgaoganngwa ka mafatshe kgakala. Mme fela mogopolo wa go “ tlola” go amanngwa le lefatshe lengwe go nna “moagedi wa lefatshe ka bophara” o setse o remeletse mo go nneng motho wa lefatshe lengwe le go reediwa mo lefatsheng leo. Fela jaaka dikwalo tsa ditshwanelo tsa setho tse di itseging, go sa remelela mo go lepe lefatshe kgotsa “go nna moditshabatshaba” go ka nna lentswe le le ngotlegileng la bao ba ba nang le dithata ba ba itseging. Ke nnete bangwe ba re lefatshe le “mebutlwa” ga le “bonolo”, ka dipharologano gareng ga mafelo a magolo a lefatshe tsedi sa bonaleng thata go nale tse di mo gareng ga ditoropo kgolo le metsana mo lefatsheng le le lengwe.

Kwa phelelong, tse di siameng ka lefatshe lotlhe le ditoro tsa batho tse di tshwanang e ka nna dilo tse di tsietsang go na le gore e bo ele dilo tse di lapolosang. Di ka boeletsa le go gatelela go sa nna teng ga tekatekanyo. Di ka itemogelwa ele kgobelelo ya megopolo le melawana e e itlhokomolosang boammaruri jwa mo gae le bokao jo bo tseneletseng jo bo mo kakanyong. Nnete ke gore, ga gona ope yo o ratang “ditshwanelo tsa setho tsa lefatshe lotlhe”. Mo matshelong a rona ka bongwe ka bongwe, ditshwanelo di mo lefatsheng la rona, e bile ke tsa motho ka bo esi. Eleanor Roosevelt’s words a re ditshwanelo tsa setho di “simolola […] mo mafelong a mannye, gaufi le kwa gae” le gore “fa e se ele gore ditshwanelo tse di nale bokao koo, di ka se nne le bokao gope gape.” Ke mo sephiring sa matshelo a rona—mafelo a ditirisano tsa rona tsa setho, ditirisano tsa rona tsa letsatsi le letsatsi le puso, le mo ditsamaisong le dipuisano tsa rona ka go tlotlana, gore re bomang le ngwao ya rona kwa ditshwanelo tsa setho di nang le bokao ka tsela e e utlwalang. 

A mme ditiro tse eseng tsa puso di ka thatafatsa ka fa re akanyang le go dira ka teng ditshwanelo tsa setho le go nna batho ba lobopo lotlhe? Fa ele gore re lemoga gore bokao le seabe sa ditshwanelo tsa setho ke selo sa lefatshe le o mo go lone, go botlhokwa go lebelelela dilo molefatshe la gago ka tlotlo mo badiragatsing ba ditshwanelo tsa setho le go akanya sesha ka kgokagano ya go nna batho ba lobopo lotlhe. 

Mo tirong yame, ke remeletse mo go bueleleng makgotla a eseng a puso (NGOs) mo karolong ya ditshwanelo tsa setho thatathata mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika. Tiro yame e akanya gore ditlhopha tsa go nna jalo di nale dikitso eseng fela mo tiragatsong ya ditshwanelo tsa setho, selo se eleng karolo e tona ya tiro ya tsone, mme le go tsenya letsogo mo goring go akanngwa jang ka ditshwanelo tsa setho.. 

Mo nakong e e fetileng ke kwadile ka go “aga eseng go fokotsa” le go elatlhoko ka fa NGOs di buwang ka ditshwanelo tsa setho ka teng lefatshe ka bophara kgotsa mo kgaolong nngwe go ka thusang ka teng go fa puisano ka ditshwanelo tsa setho monyetla, go di amanya le dilo tse di leng ka fa molaong mo gae, le go supa gore di raya eng mo matshelong a batho. Go leba dilo jaana go ka re thusa go tswa mo dikakanyong tse di sa tlholeng di bereka tsa gore re selo sele sengwe kgatlhanong le siama ga ngwao, mme re bone gore kakanyo ya mo gae e bile ele ya ngwao e ka rotloetsa go nale go kgoreletsa tshireletso ya ditshwanelo tsa setho. 

Re ka bolwa jang mo ditumelong tsa rona tse di tseneletseng ka gore ditshwanelo tsa setho di raya eng  mme re rotloetsa kgaogano le temogo e e sa kganelweng ke dikgaogano tsa merafe? Ditshwanelo tsa setho di laolwa ke tirisano. Moono wa Borwa jwa Aforika wa botho/ubuntu, o balwela ditshwanelo tsa setho bangwe ba tlhaloganyang ele tlhaloso ya ditshwanelo tsa setho, gantsi e tlhalosiwang ka leele la“motho ke motho ka batho” (Setswana) le le ka ranolwang jaanas“a person is a person through other people.” Ke mogopolo le tiragatso ya go dira, go sekaseka le go amogela setho sa rona re dirisa ka fa re amanang ka teng le batho ba bangwe. Go nna motho wa lobopo lotlhe go remeletswe mo tirisanong ya motho le ba bangwe ke selo se se maatla ka ntlha ya gore setho seo seabo se agiwa go simolola sele selo se sennye e bile se simololwa ka motho a le mongwe.

Tirisano ya go nna jalo e ka emisa ditsiabadimo tse di iphitlhileng ka tumelo ya Seyuroba-seAmerika ya lobopo lotlhe le go senola fa ditshwanelo tsa setho di tlholega mo ngwaong jaaka Ibhawoh le ba bangwe ba tlhalosa. Go lemoga dipharologano mo go tlholegeng ga ditshanelo tsa setho go akaretsa go lemogwa ga badiragatsi jaaka badiri le badiragatsi ba ditlwaelo tsa ditshwanelo tsa setho, eseng jaaka batho fela ba ba amogelang megopolo ya “lefatshelotlhe” e e gasagasamaneng. Temogo e e ka nna karolo e e botlhokwa ya go bopa dichaba go sa lebelelwe melolwane le go nosetsa kakanyo ya “re akaretsana” jaaka Shenker-Osorio a tlhalosa.

Makgotla a mo gae a eseng a puso gantsi a sala dikgatlhego le ditlhokego tse latlheletsweng morago. Mo tirong yame ke dirisana le NGOs tse di dirang mo dikarolong tsa HIV, ditshwanelo tsa LGBTI, le ba ba gwebang ka tlhakanelo dikobo. Ke bonye ka fa ditlhopha di kopanyang le go buelela batho ba ba nang le maitemogelo a a tshwanang a botshelo ba gantsi ba seyong kgotsa ba tlodisiwa matlho fa go tla mererong ya lefatshe. Go seegelwa kwa tlhoko mo mererong ya lefatshe go ka namolwa ke go nna le kgokagano le lefatshe ka bophara—eseng fela le makgotlana a UN kgotsa a puso kwa eleng gore dikgatlhego tsa one di ka tswelela ka go sa tsewa tsia mme eleng ka ditlhopha tse dingwe tse di emetseng batho ba setshwano sa tsone.

Ditirisano tse di seng ka fa molaong di ka nna magareng ga mekgatlo ya selegae e e buelelang bao ba ba senkeng ba reediwa mo mererong ya Sechaba jaaka Black Lives Matter kwa US (le gongwe le gongwe), la Canada la Idle No More, la South Africa la #FeesMustFall, le megwanto ya basadi ya lefatshe ka bophara. Ditirisano tse di thusa go diragatsa thotloetso, neelano ya kitso le popagano e e mosola. Kwa eleng gore go tsaya karolo go dirwa ka tekatekanyo, ditirisano tsa go nna jalo di ka thusa mo go diragatseng go lemogwa ke mongwe le mongwe mo go sa ikaegeng ka gore o mo lefelong lefe le go sutisa dikakanyo tse di tlang ka pusotsa mafatshefatshe. 

Dikakanyo tse dikgonagalo eseng dilo tsa boammaaruri e bile ga se gore ga di na dibelebejane. Go lemoga dipharologano, ditlholego le boitsaanape mo ditshwanelong tsa setho go thatafatsa gore go dumalanwe ka tsone. Go tlhoka tirisano, puisano le therisanyo e e tseneletseng. Dilo tse tsotlhe di ganelela ka fa sepolotiking fela jaaka dikarolwana tsa tsone—diteme, lefelo, boalo jwa maranyane, lenaneo la tsone. Go lemoga ditshwanelo tsa setho ka se di leng sone, jaaka Goodhart a tlhalosa, gore tiro ya ditshwanelo tsa setho ga se go kgotsofatsa ope. Dikgoeletso tsa “re kopanetse se” ga di a tshwanela go fitlha nnete ya sa lekalekaneng. 

Le fa ele bone ba lwela ditshwanelo tsa setho ga ba “tshelele mo lefelong le go senang sepolotiki le eleng gore batho ba tsewa ka tekatekano.”  Makgotla a NGOs ga se gore one a motlhofo go feta makgotla a mangwe. Makgotla a ditshwanelo tsa setho a eseng a puso-NGOs, a kgona go sa dira dilo ka tekatekanyo, a supa dipharologano tsa ditlamelo, go sa tsamaisiwa sentle, dikgatelelo tsa sepolotiki, le go kemedi e e sa lekanang. Mo godimo ga se, mafelo a ka se nne gore a ko kae, mme dikemedi le go tlhaloganya “mo gae”gone go tswelela go ntse jalo.

Aa mme tirisano ya gore ga o wa lefatshe lepe e ka tshegetsa ditshwanelo tsa batho le go emisa  ila batho ba merafe e mengwe? Ee. Mme fela, e tsile go nna bonya, e tobekane, e tlhakatlhakanya le go sa tlhomamisega. E tla lopa go le gontsi mo go rona le go re tlhoka gore re amogele ditlaletso le go laleletsa ba bangwe kwa “mafelong a manye gaufi le kwa gae” kwa ditshwanelo tsa setho di leng mosola teng.

 

ORIGINALLY PUBLISHED: October 5, 2020

Kristi Heather Kenyon ke porofesori yo o fa gare wa dithuto tsa Ditshwanelo tsa Setho kwa Yunibesiting ya Winnipeg mo sekolong sa Global College. Tiro ya gagwe e rotloeditswe ke gore a bo a kile a bereka mo dikarolong tsa ditshwanelo tsa setho le tlhabololo ya bone mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika le Borwa Botlhaba jwa Asia.


 

COMMENTS
Stay connected! Join our weekly newsletter to stay up-to-date on our newest content.  SUBSCRIBE